1 Mme erile Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla, a ba raya a re, “Bagaetsho, ke ntse ke tshela fa pele ga Modimo ka pelo e e siameng!” 2 Ka bonako Ananiase Moperesiti yo mogolo a laola gore ba ba gaufi le Paulo ba mo itee mo molomong.
3 Mme Paulo a mo raya a re, “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lobota lo lo takilweng. O molaodi yo o ntseng jang yo o tlolang molao ka go laola gore ke itewe?”
4 Mme ba ba neng ba eme go bapa le Paulo ba mo raya ba re, “A ke yone tsela ya go bua le moperesiti yo mogolo wa Modimo”.
5 Mme Paulo a fetola a re, “Ke ne ke sa itse gore a ke Moperesiti yo mogolo, bagaetsho, gonne Dikwalo tsa re, ‘O seka wa ba wa bua bosula kaga ope wa balaodi ba gago.’ ”
6 Mme Paulo a akanya kaga sengwe! Bontlha bongwe jwa batho e ne e le Basadukai mme jo bongwe e le Bafarasai! Mme o ne a goa a re, “Bagaetsho, ke Mofarasai fela jaaka borraetsho mogologolwane mme ke sekisiwa fa gompieno ka gore ke dumela mo tsogong ya baswi!”
7 Mme mo go ne ga kgaoganya lekgotla ka bogare, Bafarasai ba nna kgatlhanong le Basadukai, 8 gonne Basadukai ba re ga go na tsogo ya baswi kgotsa baengele kgotsa le mowa wa bosenabokhutlo mo go rona, mme Bafarasai bone ba dumela mo go tse tsotlhe. 9 Jalo ga tsoga modumo o mogolo. Bangwe ba baeteledipele ba Bajuta ba tlola ba re Paulo o bua sentle. Ba ne ba goa ba re, “Rona ga re bone molato ope mo go ene, gongwe mowa kgotsa moengele o buile le ene [gone mo tseleng ya Damaseko].” 10 Modumo o ne wa golela kwa pele, mme batho ba rutha Paulo mo ditlhakoreng tsoopedi ba mo gogela kwa le kwa. La bofelo molaodi, a laola gore masole a gagwe a mo tseye mo go bone ka dikgoka go mmusetsa mo kagong ya batlhabani ka gore o ne a tshaba gore ba tloga ba mo gagolaka.
11 Mo bosigong joo Morena o ne a ema Paulo fa lotlhakoreng a mo raya a re, “Se tlhobaele, Paulo; fela jaaka o boleletse batho ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go dira fela jalo le mo Roma.”
12-13 Tsatsi le le latelang Bajuta ba ka nna masome a mane kgotsa go feta ba ipopa ka maikano a go re ga ba kitla ba a ja le fa e le go nwa go fitlhelela ba bolaya Paulo! 14 Mme ba ya kwa bape-resiting ba bagolo le bagolwane ba ya go ba bolelela se ba se dirileng. 15 Ba ne ba kopa jaana, “Re kopa gore molaodi wa masole a busetse Paulo mo lekgo-tleng, lo dire jaaka o ka re lo batla go mmotsa dipotso gape. Rona re tlaa mmolaya mo tseleng.”
16 Mme setlogolo sa ga Paulo sa lemoga leano la bone le le bosula mme a ya kwa kagong ya batlhabani a bolelela Paulo.
17 Mme Paulo a bitsa mongwe wa bagolwane a mo raya a re, “Tsaya mosimane yo o mo ise kwa go molaodi. O na le sengwe sa botlhokwa go se mmolelela.”
18 Jalo mogolwane a dira jalo, a feta a tlhalosa a re, “Legolegwa Paulo, o mpiditse mme a kopa gore ke tlise mosimane yo kwano go wena go go bolelela sengwe.”
19 Molaodi a tshwara mosimane ka seatla, a mo gogela kwa thoko a mmotsa a re, “Ke eng se o batlang go se mpolelela mosimane?”
20 Mme mosimane a mo raya a re, “Ka moso Bajuta ba tlaa tla go kopa gore o tlise Paulo mo lekgotleng gape, ba dira jaaka o ka re ba batla go tlhotlhomisa thata ka ga gagwe. 21 Mme o seka wa dira jalo! Go na le banna ba feta masome a mane ba ba iphitlhileng go bapa le tsela ba ipaakanyeditse go mo tlolela ba mmolaya. Ba ipopile ka maikano a gore ba seka ba ja kgotsa baa nwa go fitlhelela a a swa. Ba mo laletse teng koo, ba lebeletse gore o dumalane le kopo ya bone.”
22 Mme molaodi o ne a tlhagisa mosimane a re, “O seka wa ba wa dira gore mongwe a itse gore o mpoleletse selo se.”
23-24 Mme molaodi a bitsa bangwe ba bagolwane ba gagwe ba le babedi a ba raya a re, “Baakanyang batlhabani ba le makgolo mabedi ba ye Kaesarea ka nako ya boroba bongwe bosigo! Tsayang banna ba dichaka ba le makgolo a mabedi le bapalami ba le masome a supa. Neelang Paulo pitse gore a palame mme lo mo ise kwa go kgosana Felise a babalesegile.”
25 Mme a kwalela Felise lokwalo lo lo buang jaana:
31 Mme erile bosigo joo, jaaka go laotswe masole a isa Paulo kwa Antipateri.
32 Mme ba boela kwa kagong ya batlhabani moso o o latelang, ba mo tlogela le bapalami ba dipitse gore ba mo ise kwa Kaesarea.
33 Erile ba goroga kwa Kaesarea, ba neela Kgosana Paulo le lokwalo. 34 O ne a bala lokwalo mme a botsa Paulo gore o tswa kae. Paulo a araba a re, “Ke tswa Kilikia.”
35 Kgosana ya mo raya ya re, “Ke tlaa utlwa kgang ya gago sentle fa ba ba go bonyeng molato ba tla,” mme a laola gore Paulo a tshegediwe mo kgolegelong e e mo kagong ya Bogosi ya ga Kgosi Herode.
<- Ditiro 22Ditiro 24 ->